tn_2sa_text_reg/10/01.txt

1 line
669 B
Plaintext

\c 10 \v 1 Go ne ga diragala morago gore kgosi ya batho ba Amone a swe, mme morwawe Hanune a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. \v 2 Tafita a re, ''Ke tla supetsa Hunune morwa Nahashe bopelonomi, jaaka rraagwe a ne a nna pelonomi mo go nna.'' Jalo Tafita a romela batlhanka ba gagwe go gomotsa Hanune mabapi le rraagwe. Batlhanka ba gagwe ba tsena mo lefatsheng la batho ba Amone. \v 3 Mme baeteledipele ba batho ba Amone ba bua le mong wa bone Hunune, ''A mme o akanya gore Tafita o supa tlotlo mo go rraago, ka gore o romile banna go go gomotsa? A Tafita ga a romela batlhanka ba gagwe kwa go wena go lebelela toropokgolo, go e tsaya ditlholwa, gore a tle a e menole?''