tn_2sa_text_reg/08/03.txt

1 line
442 B
Plaintext

\v 3 Foo Tafita a fenya Hatatesere morwa Rehobo, kgosi ya Soba, jaaka Hatatesere a ne a le mo mosepeleng go ya go buseletsa go busa ga gagwe kwa nokeng ya Yufurate. \v 4 Tafita a gapa dikolotsana tsa ntwa di le sekete le makgolo a supa le masole a a tsamayang ka dinao a le dikete tse di masome a mabedi. Tafita a kgaola mesifa ya dipitse tsa dikolotsana tsa ntwa tsotlhe, mme a tlogela palo e e lekanyeng dikolotsana tsa ntwa di le lekgolo.