tn_2sa_text_reg/07/27.txt

1 line
582 B
Plaintext

\v 27 Gonne wena, Modimo Yahweh wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o senoletse motlhanka wa gago gore o tla mo agela ntlo. Ke sone se, nna, motlhanka wa gago ke nnileng pelokgale go go rapela. \v 28 Jaanong, Morena Yahweh, o Modimo, mme mafoko a gago a a ikanyega, mme o diretse motlhanka wa gago tsholofetso e e molemo e. \v 29 Jaanong, a go go itumedise go segofatsa ntlo ya motlhanka wa gago, gore e tle e tswelele ka bosakhutleng e le teng fa pele ga gago. Gonne wena, Morena Yahweh, o buile dilo tse, mme ka tshegofatso ya gago, ntlo ya motlhanka wa gago e tla segofalela ruri.