tn_2sa_text_reg/07/21.txt

1 line
709 B
Plaintext

\v 21 Ka lebaka la mafoko a gago, le go ka wetsa thulaganyo e e leng ya gago, o dirile selo se segolo se mme wa se senolela motlhanka wa gago. \v 22 Jalo he, o mogolo Morena Yahweh. Gonne ga go na yo o tshwanang le wena, ebile ga go na Modimo ope ka ntleng le wena, fela jaaka re utlwile ka ditsebe tse e leng tsa rona. \v 23 Ke tshaba efe e e tshwanang le batho ba gago ba Iseraele, tshaba e le nosi mo lefatsheng e wena, Modimo, o ileng wa e inamolela? O dirlile se gore ba tle ba nne batho ba gago, le go itirele leina, le go direla lefatshe la gago ditiro tse dikgolo le tse di boitshegang.O ne wa kobela kgakala ditshaba le medimo ya tsone fa pele ga batho ba gago, ba o ba namotseng go tswa kwa Egepeto.