tn_2sa_text_reg/05/19.txt

1 line
599 B
Plaintext

\v 19 Foo Tafita a kopa thuso go tswa kwa go Modimo Yahweh. A re, ''A ke tlhasele Bafilisitia? A o tla mpha phenyo mo go bone?'' Modimo Yahweh a raya Tafita a re, ''Tlhasela, gonne ammaaruri ke tla go neela phenyo mo Bafilisitieng.'' \v 20 Jalo Tafita a tlhasela kwa Bale Perasimi, mme a ba fenya koo. A bua jaana, ''Modimo Yahweh o phunyeleditse mo gare ga baba ba me fa pele ga me jaaka go phunyeletsa ga morwalela wa metsi.'' Jalo leina la lefelo leo la nna Bale Perasimi. \v 21 Bafilisitia ba tlogela medingwana ya disetwa ya bone koo, mme Tafita le banna ba gagwe ba e rwala ba tsamaya ka yone.