tn_2sa_text_reg/04/08.txt

1 line
697 B
Plaintext

\v 8 Ba tsisa tlhogo ya ga Ishiboshethe kwa go Tafita kwa Heberone, mme ba raya kgosi ba re, ''Leba, se ke tlhogo ya ga Ishiboshethe morwa Saulo, mmaba wa gago, yo o ntseng a batla go go bolaya. Letsatsi leno Modimo Yahweh o busoloseditse mong wa rona kgosi kgatlhanong le Saulo le dikokomane tsa gagwe.'' \v 9 Tafita a araba Rechabe le Baana morwarraagwe, barwa Rimone wa Mobeerothi; a ba raya a re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, yo o golotseng botshelo jwa me mo mathateng, \v 10 fa mongwe a ne a mpolelela a re, 'Leba, Saulo o sule,' a akanya gore o tsisa dikgang tse di molemo, ke ne ka mo tshwara mme ka mmolaya kwa Sikilaga. Seo e ne e le katso e ke neng ka mo e neelela dikgang tsa gagwe.