tn_2sa_text_reg/04/05.txt

1 line
510 B
Plaintext

\v 5 Jalo barwa Rimone wa Mobeerothi, Baana le Rechabe, ba tsamaya go le motshegare ba ya kwa ntlong ya ga Ishiboshethe, jaaka a ne a ikhuditse mo tshokologong. \v 6 Mosadi yo o disang lebati o ne a thulamela a ntse a olosa korong, mme Rechabe le Baana ba feta fa go ene ka tidimalo ba tsena. \v 7 Jalo fa ba sena go tsena, ba mo tlhasela ba mmolaya, jaaka a ne a rapame mo bolaong jwa gagwe mo ntlong ya gagwe. Foo ba kgaola tlhogo ya gagwe ba e rwala, mme ba tsamaya mo tseleng bosigo jotlhe go ya kwa Araba.