tn_2sa_text_reg/04/01.txt

1 line
505 B
Plaintext

\c 4 \v 1 Fa Ishiboshethe, morwa Saulo, a utlwa gore Abonere o sule kwa Heberone, matsogo a gagwe a nna bokoa, mme Iseraele otlhe a tshwenyega. \v 2 Jaanong morwa Saulo o ne a na le banna ba le babedi ba ba neng ba le baeteledipele ba ditlhopha tsa masole. Leina la mongwe wa bone e le Baana fa mongwe e le Rechabe, barwa Rimone wa Mobeerothi wa batho ba Benjamene(gonne Beerothi o lejwa e le bontlha jwa Benjamene, \v 3 mme Babeerothi ba ne ba siela kwa Gitaimi mme ba ntse ba nna koo go fitlha nako e).