tn_2sa_text_reg/01/17.txt

1 line
507 B
Plaintext

\v 17 Foo Tafita a opela sefela se sa phitlho ka Saulo le morwawe Jonathane. \v 18 O ne a laola batho go ruta barwa ba Juta Sefela Sa Bora, se se neng sa kwalwa mo Bukeng Ya Ga Jashare. \v 19 ''Kgalalelo ya gago, Iseraele, e sule, e bolaetswe mo mafelong a gago a a kwa godimo! Ka fa ba ba dinatla ba oleng ka teng! \v 20 Le se ka la e bolela kwa Gathe, le se ka la e bua mo mebileng ya Ashekelone, gore barwadia Bafilisitia ba tle ba se ka ba itumela, gore barwadia batho ba ba sa rupang ba se ka ba ipela.