\v 23 Fa Ahithofele a bona gore kgakololo ya gagwe ga e ya salwa morago, a baya sale mo tonking ya gagwe mme a tsamaya. O ne a ya gae kwa toropokgolong e e leng ya gagabo, a baya dilo tsa gagwe sentle mme a ikaletsa. O ne a swa ka tsela e, mme a bolokwa mo lebitleng la ga rraagwe.