\v 32 \v 33 Jehonatabe morwa Shama, morwarraa Tafita, a araba a re, ''A mong wa me a se ka a dumela gore ba bolaile bannana botlhe ba e leng barwa ba kgosi, gonne ke Amonone fela yo o suleng. Abosalomo o rulagantse se go tloga ka letsatsi le Amonone a beteletseng kgaitsadie Tamare ka lone. Jalo a mong wa me a se ka a tseela pego e kwa pelong, go dumela gore barwa botlhe ba kgosi ba sule, gonne go sule Amonone a le nosi.''