tn_2sa_text_reg/18/31.txt

1 line
737 B
Plaintext
Raw Normal View History

\v 31 \v 32 \v 33 Gone foo Mokhushi a goroga mme a re, ''Go na le dikgang se di molemo tsa mong wa me kgosi, gonne Modimo Yahweh o go busoloseditse letsatsi leno kgatlhanong le botlhe ba ba neng ba tsogololgile kgatlhanong le wena.'' Foo kgosi a raya Mokhushi a re, ''A tsotlhe di siame ka mokau, Abosalomo?'' Mokhushi a araba, ''Baba ba mong wa me kgosi le botlhe ba ba tsogologang kgatlhanong le wena go go utlwisa bothoko, ba nne jaaka mokau yole a ntse.'' Foo kgosi a tlhabega mo go golo, mme a tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo ga kgoro mme a lela. Jaaka a tsamaya o ne a hutsafala a re, ''Morwaaake Abosalomo, morwaake, morwaake Abosalomo! Ke eletsa go ka bo go sule nna mo boemong jwa gago, Abosalomo, morwaake, morwaake!''