tn_2sa_text_reg/19/05.txt

1 line
577 B
Plaintext
Raw Normal View History

\v 5 \v 6 Foo Joabe a tsena mo ntlong kwa kgosing mme a mo raya a re, ''O tlhabisitse difatlhego tsa masole a gago otlhe ditlhong letsatsi leno, ba ba bolokileng botshelo jwa gago letsatsi leno, ba ba bolokileng matshelo a barwa le barwadiago, le matshelo a basadi ba gago, le matshelo a basadi ba gago ba makgoba, gonne o rata ba ba go ilang, mme o ila ba ba go ratang. Gonne letsatsi leno o supile gore balaola sesole le masole ga se sepe mo go wena. Letsatsi leno ke dumela gore fa Abosalom a ka bo a tshedile, rona ra bo re sule rotlhe, foo seo se ka bo se go itumedisitse.