tn_1sa_text_reg/14/27.txt

1 line
448 B
Plaintext

\v 27 \v 28 Mme Jonathane o ne a sa utlwa gore rraagwe o tlamile batho ka maikano. A otlolola thobane e e neng e le mo seatleng sa gagwe, mme a ina ntlha ya yone mo lemepeng la tswine. A tsholeleltsa seatla sa gagwe kwa ganong, mme matlho a gagwe a galalela. Foo mongwe wa batho a araba, ''Rraago o tsentse batho mo maikanong a a tlhwaafetseng a re, 'Go hutsegile monna yo o jang dijo letsatsi leno,' le ntswa batho ba le bokoa ka ntata ya tlala.''