tn_1sa_text_reg/14/11.txt

1 line
451 B
Plaintext

\v 11 \v 12 Jalo bobedi jwa bone jwa itshupetsa setlhopha sa masole a Bafilisitia. Bafilisitia ba re, ''Bonang, Bahebera ba tswa mo mesimeng e ba ntseng ba iphitlhile mo go yone.'' Foo banna ba setlhopha sa masole ba bitsa Jonathane le motsholathebe wa gagwe, ba re, ''Tlayang kwa godimo kwa go rona, re tla le bontsha sengwe.'' Jonathane a raya motsholathebe wa gagwe a re, ''Ntshale morago, gonna Modimo Yahweh o ba neetse mo seatleng sa Iseraele.''