tn_1sa_text_reg/14/06.txt

1 line
475 B
Plaintext

\v 6 \v 7 Jonathane a raya motsholathebe wa gagwe yo o mmotlana a re, ''Tlaya, a re kgabaganyetse ka kwa setlhopheng sa masole a batho ba ba sa rupang ba. Gongwe Modimo Yahweh o ka dira mo boemong jwa rona, gonne ga go na se se thibelang Modimo Yahweh go boloka ka batho ba ba palo ntsi kgotsa ka ba ba palo e potlana.'' Motsholathebe wa gagwe a fetola, ''Dira sengwe le sengwe se se mo pelong ya gago. Tswelela pele, bona, ke na le wena, go utlwa ditaolo tsotlhe tsa gago.''