tn_1sa_text_reg/12/16.txt

1 line
541 B
Plaintext

\v 16 \v 17 \v 18 Le jaanong itshupeng mme le tle le bona selo se segolo se Modimo Yahweh a tla se dirang fa pele ga matlho a lona. A ga se nako ya thobo ya korong letsatsi leno? Ke tla bitsa Modimo Yahweh, gore a tle a romele tladi le pula. Foo le tla itse le bo le bona gore boikepo jwa lona bo bogolo, jo le bo dirileng mo ponong ya ga Modimo Yahweh, ka go ikopela kgosi.'' Jalo Samuele a bitsa Modimo Yahweh; mme mo letsatsing lone leo Modimo Yahweh a romela tladi le pula. Foo batho botlhe ba boifa Modimo Yahweh le Samuele mo go golo.