tn_1sa_text_reg/10/17.txt

1 line
554 B
Plaintext

\v 17 \v 18 \v 19 Jaanong Samuele a biletsa batho fa pele ga Modimo Yahweh kwa Misepha. A raya batho ba Iseraele a re, ''Se ke se se buiwang ke Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele: 'Ke ntshitse Iseraele kwa Egepeto, mme ka le namola mo seatleng sa Baegepeto, le mo seatleng sa magosi otlhe a a neng a le gateletse.' Mme gompieno le ganne Modimo wa lona, yo o le bolokang mo matlhotlhapelong otlhe le dipatikesegong tsa lona; mme le mo reile la re, 'Re tlhomele kgosi.' Jaanong itshupeng fa pele ga Modimo Yahweh ka merafe ya lona le dikgoltlana tsa lona.''