tn_1sa_text_reg/10/14.txt

1 line
450 B
Plaintext

\v 14 \v 15 \v 16 Foo malomaagwe Saulo a raya Saulo le motlhanka wa gagwe a re, ''Le ne le ile kae?'' Mme a fetola, ''Go batla ditonki; fa re bona gore ga re kgone go di bona, re ne ra ya kwa go Samuele.'' Malomaagwe Saulo a re, ''Tsweetswee mpolelele gore Samuele o ne a le raya a reng.'' Saulo a fetola malomaagwe, ''O ne a re bolelela ka tlhamalalo gore ditonki di bonwe.'' Mme a se ka a mmolelela ka kgang ya bogosi, e Samuele a buileng ka yoone.