tn_1sa_text_reg/06/07.txt

1 line
749 B
Plaintext

\v 7 \v 8 \v 9 Jaanong he, baakanyang kara e ntsha le dikgomo tse di amusang tse pedi tse di iseng di pegwe jokwe. Golegelelang dikgomo mo kareng, mme le ise dinamane tsa tsone gae, kgakala le tsone. Foo le tsee letlole la Modimo Yahweh mme le le beye mo kareng. Bayang ditshwantsho tsa gauta tse le di busetsang kwa go ene e le moneelo wa go ipona molato mo lebokosong fa thoko ga letlole. Foo le le romele le ye kwa le yang teng. Foo le lebe; fa le tlhatloga le ya mo tseleng ya kwa lefatsheng la lone le ya kwa Bethe Shemeshe, foo e tla bo e le Modimo Yahweh yo o dirileng sebetso se segolo se. Mme fa go sa nna jalo, foo re tla itse gore ga se seatla sa gagwe se se re tlhokofaditseng; boemong jwa moo, re tla itse gore go re diragaletse fela.''