tn_1sa_text_reg/06/05.txt

1 line
508 B
Plaintext

\v 5 \v 6 Jalo le tshwanetse go dira ditshwantsho tsa dikaku tsa lona, le ditshwantsho tsa dipeba tsa lona tse di senyang lefatshe, mme le neele Modimo wa Iseraele kgalaletso. Gongwe o tla tlosa seatla sa gagwe mo go lona, le badimo ba lona le lefatshe la lona. Ke eng le tshwanetse go thatafatsa dipelo tsa lona, jaaka Baegepeto le Faro ba ne ba thatafatsa dipelo tsa bone? Ke yone nako e Modimo wa Iseraele a neng a ba otlhaya mo go gagametseng; a batho ba Egepeto ga ba a ka ba koba batho, mme ba tsamaya?