tn_1sa_text_reg/05/08.txt

1 line
497 B
Plaintext

\v 8 \v 9 Jalo ba romela bangwe ba kgobokanya babusi botlhe ba Bafilisitia; ba ba raya ba re, ''Re dire eng ka letlole la Modimo wa Iseraele?'' Ba araba, ''A letlole la Modimo wa Iseraele le tsisiwe ka kwa Gathe.'' Mme ba rwalela letlole la Modimo wa Iseraele koo. Mme morago ga ba sena go tsisa letlole koo, seatla sa Modimo Yahweh sa nna kgatlhanong le toropokgolo, ga nna tlhakatlhakano e kgolo thata. A tlhokofatsa banna ba toropokgolo, ba bannye le ba bagolo; mme dikaku tsa runya mo go bone.