tn_1sa_text_reg/04/03.txt

1 line
526 B
Plaintext

\v 3 \v 4 Fa batho ba tsena kwa kampeng, bagolwane ba Iseraele ba re, ''Ke eng Modimo Yahweh letsatsi leno a re fentse fa pele ga Bafilisitia? A re tsiseng letlole la kgolagano ya Modimo Yahweh fa go tswa kwa Shilo, gore le tle le nne fa le rona, gore le tle le re boloke mo diatleng tsa baba ba rona.'' Jalo batho ba romela banna kwa Shilo; go tswa koo ba rwala letlole la Modimo Yahweh wa masomosomo, yo o nnang godimo ga dicheruba. Barwa Eli ba babedi, Hofoni le Finehase, ba ne ba le koo le letlole la kgolagano ya Modimo.