tn_1sa_text_reg/04/01.txt

1 line
382 B
Plaintext

\c 4 \v 1 \v 2 Lefoko la Samuele la tla kwa go Iseraele otlhe. Jaanong Iseraele a bolola go ya ntweng kgatlhanong le Bafilisitia. Ba kampa kwa Ebenesa, fa Bafilisitia ba ne ba kampa kwa Afeke. Bafilisitia ba ipaya mo meleng ya ntwa kgatlhanong le Iseraele. Fa ntwa e anama, Iseraele a fenngwa ke Bafilisitia, ba ba neng ba bolaya banna ba ka nna dikete tse nne mo patlelong ya ntwa.