tn_1sa_text_reg/01/21.txt

1 line
613 B
Plaintext

\v 21 Gangwe gape, Elekana le ba ntlo ya gagwe ba ya go ntshetsa Modimo Yahweh setlhabelo sa ngwaga le go duela maitlamo a gagwe. \v 22 Mme Hana a se ka a tsamaya; o ne a reile monna wa gagwe a re, ''Ga ke na go tsamaya go fitlhela ngwana a kgwa lebele; foo ke tla mo tsisa, gore a tle a itshupe fa pele ga Modimo Yahweh mme a tle a nne koo ka bosakhutleng.'' \v 23 Elekana monna wa gagwe a mo raya a re, ''Dira se se lebegang se siame mo go wena. Leta go fitlhela o mo kgwisa lebele; fela, a Modimo Yahweh a rurifatse lefoko la gagwe.'' Jalo mosadi a nna mme a tlhokomela ngwana go fitlhelela a mo kgwisa lebele.