tn_1sa_text_reg/22/11.txt

1 line
525 B
Plaintext

\v 11 \v 12 \v 13 Foo kgosi a romela mongwe go bitsa moperesiti Ahimeleke morwa Ahitubu, le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe, baperesiti ba ba neng ba le mo Nobo. Botlhe ba tla kwa go kgosi. Saulo a re, ''Reetsa jaanong, morwa Ahitubu.'' A araba, ''Ke fano, mong wa me.'' Saulo a mo raya a re, ''Ke eng o ntogetse segwenegwene, wena le morwa Jese, ka gorre o mo neetse borotho, le tshaka, wa bo wa mo rapelela Modimo gore a mo thuse, gore a tle a tsogologe kgatlhanong le nna, go iphitlha mo sephiring, jaaka a dirile gompieno?''