tn_1sa_text_reg/09/17.txt

1 line
528 B
Plaintext

\v 17 \v 18 \v 19 Fa Samuele a bona Saulo, Modimo Yahweh a mmolelela a re, ''Monna yo ke go boleletseng ka ene ke yo! Ke ene yo o tla busang batho ba me.'' Foo Saulo a tla gaufi le Samuele fa kgorong mme a re, ''Mpolelele, ntlo ya mmonelapele e kae?'' Samuele a arba Saulo a re, ''Ke nna mmonelapele. Tsamaelang kwa godimo kwa pele ga me le ye kwa lefelong le le kwa godimo, gonne letsatsi leno le tsile go ja le nna. Ke tla le letlelela go tsamaya mo mosong, mme ke tla le bolelela tsotlhe tse di leng ditlhaloganyong tsa lona.