tn_1sa_text_reg/19/01.txt

1 line
468 B
Plaintext

\c 19 \v 1 \v 2 \v 3 Saulo a raya Jonathane morwawe le batlhanka botlhe ba gagwe a re ba bolae Tafita. Mme Jonathane, morwa Saulo, o ne a jesiwa monate ke Tafita. Jalo Jonathane a bolelela Tafita, a re, ''Saulo, rre, o batla go go bolaya. Jalo he, itise mo mosong mme o iphitlhe mo lefelong le le sephiri. Ke tla tswela kwa ntle ke ya go ema fa thoko ga ga rre mo tshimong e o leng mo go yone, mme ke tla le rre ka ga wena. Fa ke ka utlwa sengwe, ke tla go bolelela.''