tn_1sa_text_reg/20/41.txt

1 line
506 B
Plaintext

\v 41 Fela fa monnana a se na go tsamaya, Tafita a ema ka dinao go tswa fa morago ga totoma, a rapama fa fatshe ka sefatlhego, mme a ikoba gararo. Ba atlana, ba lela mmogo, Tafita a lela go feta. \v 42 Jonathane a raya Tafita a re, ''Tsamaya ka kagiso, gonne rotlhe re ikanne ka leina la Modimo Yahweh ra re, 'A Modimo Yahweh a nne fa gare ga me le wena, le fa gare ga bana ba me le bana ba gago, ka bosakhutleng.''' Foo Tafita a ema ka dinao mme a tsamaya, fa Jonathane ene a ne a boela kwa toropokgolong.