tn_1sa_text_reg/07/03.txt

1 line
382 B
Plaintext

\v 3 \v 4 Samuele a raya ntlo yotlhe ya Iseraele a re, ''Fa le boela kwa go Modimo Yahweh ka pelo ya lona yotlhe, tlosang medimo e sele le Ashetarothe mo gare ga lona, retololelang dipelo tsa lona kwa go Modimo Yahweh, mme le obamele ene fela, foo o tla le namola mo seatleng sa Bafilisitia.'' Foo batho ba Iseraele ba ntsha Dibale le Ashetarothe, mme ba obamela Modimo Yahweh fela.