tn_1sa_text_reg/09/09.txt

1 line
567 B
Plaintext

\v 9 \v 10 \v 11 (Mo dinakong tsa bogologolo mo Iseraele, fa monna a ya go batla kitso ya go rata ga Modimo, o ne a re, ''Tlaya, a re ye go bona mmonelapele.'' Gonne moporofiti wa gompieno o ne a bidiwa mmonelapele mo dinakong tsa bogologolo). Foo Saulo a raya motlhanka wa gagwe a re, ''O buile sentle. Tlaya, a re tsamae.'' Jalo ba ya kwa toropokgolong e monna wa Modimo a neng a le kwa go yone. Jaaka ba ne ba palamela thaba go ya kwa toropokgolong, ba bona makgarejwana a tla go ga metsi; Saulo le motlhanka wa gagwe ba ba raya ba re, ''A mmonelapele o teng fa?''