tn_1sa_text_reg/07/10.txt

1 line
392 B
Plaintext

\v 10 \v 11 Jaaka Samuele a santse a ntsha moneelo o o fisiwang, Bafilisitia ba atamela go tlhasela Iseraele. Mme Modimo Yahweh a duma ga maru mo go kwa godimo letsatsi leo kgatlhanong le Bafilisitia mme a ba tsenya mo tsietsegong, mme ba fenngwa fa pele ga Iseraele. Banna ba Iseraele ba tswa mo Misepha, mme ba alola Bafilisitia mme ba ba bolaya go ya bokgakaleng jwa botlase jwa Bethekara.