tn_1sa_text_reg/05/04.txt

1 line
436 B
Plaintext

\v 4 \v 5 Mme fa ba tsoga mo mosong o mogolo o o latelang, bonang, Tagone a bo a ole ka sefatlhego fa fatshe fa pele ga letlole la Modimo Yahweh. Tlhogo le diatla tse pedi tsa ga Tagone di ne di kgaogile di le fa kgorong. E ne e le sehuba sa ga Tagone fela se se neng se setse. Ke sone se, le mo gompienong, baperesiti ba ga Tagone le mongwe le mongwe yo o tlang mo ntlong ya ga Tagone, a sa gateng mo kgorong ya ga Tagone kwa Ashetote.