tn_1sa_text_reg/15/32.txt

1 line
391 B
Plaintext

\v 32 \v 33 Foo Samuele a re, ''Tsisang Agage kgosi ya Amaleka kwa go nna.'' Agage a tla kwa go ene a bofilwe ka dikeetane, mme a re, ''E le ruri botlhoko jwa loso bo fetile.'' Samuele a fetola, ''Fela jaaka tshaka ya gago e dirile bommabana go tlhoka bana, mmaago le ene o tla tlhoka ngwana mo gare ga basadi,'' Foo Samuele a remelela Agage ditokitoki fa pele ga Modimo Yahweh kwa Giligala.