tn_1sa_text_reg/24/05.txt

1 line
512 B
Plaintext

\v 5 \v 6 \v 7 Morago pelo ya ga Tafita ya mo tlhokofatsa ka gore o kgaotse sekhutlo sa purapura ya ga Saulo. A raya banna ba gagwe a re, ''A Modimo Yahweh a itse gore ke dire selo se se ntseng jaana mo go mong wa me, motlodiwa wa Modimo Yahweh, go otlolola seatla sa me kgatlhanong le ene, ke ntse ke bona gore ke motlodiwa wa Modimo Yahweh.'' Jalo Tafita a kgalema banna ba gagwe ka mafoko a, mme a se ka a ba letla go tlhasela Saulo. Saulo a kotamologa, a tswa mo legageng mme a tswelela le mosepele wa gagwe.