tn_1sa_text_reg/26/19.txt

1 line
612 B
Plaintext

\v 19 \v 20 Jaanong, ke a go kopa, a mong wa me a reetse mafoko a motlhanka wa gagwe. Fa e le gore ke Modimo Yahweh yo o go fuduileng kgatlhanong le nna, a a amogele moneelo; mme fa e le batho, a ba hutsege mo ponong ya Modimo Yahweh, gonne letsatsi leno ba nkobitse kwa ntle, gore ke se ka ka kgomarela boswa jwa Modimo Yahweh; ba ntheile ba re, 'Tsamaya o ye go obamela medimo e mengwe.' Jaanong le fa go ntse jalo, o se ka wa letlelela madi a me a wela fa fatshe kgakala le bolengteng jwa Modimo Yahweh;gonne kgosi ya Iseraele o tsile go batla letsetse le le lengwe jaaka mongwe a tsoma lesogo mo dithabeng.''