tn_1sa_text_reg/17/28.txt

1 line
468 B
Plaintext

\v 28 \v 29 \v 30 Eliabe, mogolowe, a utlwa fa a bua le banna. Eliabe a tenegela Tafita, mme a re, ''Ke eng o tsile fa? O tlogetse dinku tse di palo potlana tsele le mang mo sekgweng? Ke itse boikgodiso jwa gago, le bonokwane jo bo mo pelong ya gago; gonne o tsile kwano gore o tle o bone ntwa.'' Tafita a re, ''Ke dirile eng jaanong? A e ne e se potso fela?'' A retologa go mo hularela a le ba yo mongwe, mme a bua jaaka a ne a buile. Batho ba araba fela jaaka pele.