tn_1sa_text_reg/08/10.txt

1 line
590 B
Plaintext

\v 10 \v 11 \v 12 Jalo Samuele a bolelela batho ba ba neng ba kopa kgosi mafoko otlhe a Modimo Yahweh. A re, ''Se se tla dirwa ka nako yotlhe ke kgosi yo o tla le busang. O tla barwa ba lona a ba roma go dira ka dikolotsana tsa gagwe tsa ntwa le go nna bapalami ba gagwe ba dipitse, le go taboga fa pele ga dikolotsana tsa ntwa. O tla itlhomela balaodi ba masole a a sekete, le balaodi ba masole a a masome a matlhano. O tla dira gore bangwe ba lema mmu wa gagwe, bangwe ba robe thobo ya gagwe, mme bangwe ba dire dibetsa tsa gagwe tsa ntwa le didirisiwa tsa dikolotsana tsa gagwe tsa ntwa.