tn_1sa_text_reg/31/04.txt

1 line
543 B
Plaintext

\v 4 Foo Saulo a raya motsholathebe wa gagwe a re, ''Ntsha tshaka ya gago mme o mphololetse ka yone. E seng jalo ba ba sa rupang ba, ba ka tla ba mpogisa.'' Mme motsholathebe wa gagwe a se ka a dira jalo, gonne o ne a tshogile thata. Jalo Saulo a tsaya tshaka e e leng ya gagwe mme a wela mo godimo ga yone. \v 5 Fa motsholathebe wa gagwe a bona gore Saulo o sule, le ene a wela mo godimo ga tshaka ya gagwe mme a swa le ene. \v 6 Jalo Saulo a swa, le barwae ba bararo, le motsholathebe - banna ba ba a swa botlhe mmogo letsatsi le lengwe leo.