tn_1sa_text_reg/31/01.txt

1 line
399 B
Plaintext

\c 31 \v 1 Jaanong Bafilisitia ba lwa le Iseraele. Banna ba Iseraele ba tshaba fa pele ga Bafilisitia mme ba wa ba swela mo thabeng ya Gileboa. \v 2 Bafilisitia ba alola Saulo le barwae ka thata. Bafilisitia ba bolaya Jonathane, Abinatabe le Malekhishua, barwae. \v 3 Ntwa ya tla ka bokete kgatlhanong le Saulo, mme bahudi ba metswi ba mo mo heta. O ne a le mo botlhokong jo bogolo ka ntata ya bone.