tn_1sa_text_reg/30/21.txt

1 line
670 B
Plaintext

\v 21 Tafita a tla kwa banneng ba ba makgolo a mabedi ba ba neng ba le bokoa thata go ka mo sala morago, bone ba ba bangwe ba neng ba dira gore ba nne kwa motsweding wa Besoro. Banna ba ba ne ba gatela kwa pele go kopantsha Tafita le batho ba ba neng ba na le ene. Fa Tafita a goroga fa bathong ba, o ne a ba dumedisa. \v 22 Foo banna botlhe ba ba boikepo le ba ba nyatsegang mo gare ga ba ba neng ba tsamaile le Tafita ba re, ''Ka gore banna ba ba ne ba sa tsamaya le rona, ga re na go ba neela sepe sa digapiwa tse re di buseditseng mo diatleng tsa rona. Ntleng le gore monna mongwe le mongwe a tsee mosadi wa gagwe le bana ba gagwe, a ba etelele pele, mme a tsamae.''