tn_1sa_text_reg/30/18.txt

1 line
495 B
Plaintext

\v 18 Tafita o ne a busetsa mo diatleng tsa gagwe dilo tsotlhe tse di neng di gapilwe ke Baamaleka; mme Tafita a namola basadi ba gagwe ba babedi. \v 19 Go ne go sena se se latlhegileng, se sennye kgotsa se segolo, le fa e le barwa le barwadi, le fa e le digapiwa kgotsa sepe mo go tse batlhasedi ba di itseetseng. Tafita a boa ka sengwe le sengwe. \v 20 Tafita a tsaya matsomane le matlhape, a banna ba neng ba a gatelela fa pele ga dikgomo tse dingwe. Ba re, ''Tse ke digapiwa tsa ga Tafita.''