tn_1sa_text_reg/27/08.txt

1 line
502 B
Plaintext

\v 8 Tafita le banna ba gagwe ba tlhasela mafelo a a farologanyeng, ba dira ditlhaselo mo Bajesuri, le Bagirisi, le Baamaleka; gonne ditshaba tseo e ne e le banni ba lefatshe, jaaka o tsamaela kwa Shure, go ya bokgakala jwa Egepeto. Ba ne ba ntse ba nna mo lefatsheng leo go tswa dinakong tsa bogologolo. \v 9 Tafita a tlhasela lefatshe mme a se ka a boloka le fa e le monna kgotsa mosadi; a tsaya dinku, le dipholo, le ditonki, le dikamela, le diaparo; go tloga foo o ne a boela morago kwa go Akhishi.