tn_1sa_text_reg/25/39.txt

1 line
533 B
Plaintext

\v 39 Mme e rile Tafita a utlwa gore Nabale o sule, a re, ''A Modimo Yahweh a segofadiwe, yo o tlositseng kgobo e ke e tsiseditsweng ke Nabale, mme a thibela motlhanka wa gagwe go dira bosula. Mme o buseditse bosula jwa ditiro tsa ga Nabale mo tlhogong ya gagwe.'' Foo Tafita a roma mongwe mme a bua le Abigaile, go mo itseela go nna mosadi wa gagwe. \v 40 Fa batlhanka ba ga Tafita ba sena go tla kwa go Abigaile kwa Karamele, ba bua le ene mme ba re, ''Tafita o re romile kwa go wena go go tsaya gore o tle o nne mosadi wa gagwe.''