tn_1sa_text_reg/25/12.txt

1 line
402 B
Plaintext

\v 12 Jalo bannana ba ga Tafita ba retologa mme ba boela morago, ba feta ba mmolelela tsotlhe tse di builweng. \v 13 Tafita a raya banna ba gagwe a re, ''A monna mongwe le mongwe a tseye tshaka ya gagwe.'' Mme monna mongwe le mongwe a tsaya tshaka ya gagwe. Tafita le ene a tsaya tshaka ya gagwe. Banna ba ka nna makgolo a mane ba sala Tafita morago, fa ba ba makgolo a mabedi ba ne ba sala le dilwana.