tn_1sa_text_reg/25/02.txt

1 line
488 B
Plaintext

\v 2 Go ne go na le monna kwa Maong yo dithoto tsa gagwe di neng di le kwa Karamele. Monna yo o ne a humile thata. O ne a na le dinku di le dikete tse tharo le dipodi di le sekete. O ne a beola dinku tsa gagwe kwa Karamele. \v 3 Leina la monna yo e ne e le Nabale, mme mosadi wa gagwe e ne e le Abigaile. Mosadi yo o ne a le botlhale e bile a le montle mo tebegong. Mme monna ene o ne a le setlhogo e bile a le bosula mo go dirisanyeng le ba bangwe. O ne a le ngwana wa ntlo ya ga Kalebe.