tn_1sa_text_reg/24/03.txt

1 line
496 B
Plaintext

\v 3 A tla fa masakeng a dinku mo tseleng, fa go neng go na le legaga. Saulo a tsena mo teng go ya ntle. Jaanong Tafita le banna ba gagwe ba ne ba ntse kwa botengteng jwa legaga. \v 4 Banna ba ga Tafita ba mo raya ba re, ''Le ke letsatsi le Modimo Yahweh a neng a bua ka lone fa a ne a go raya a re, 'Ke tla neela mmaba wa gago mo seatleng sa gago, gore o dire se o se batlang ka ene.''' Foo Tafita a ema ka dinao mme a tsamaela kwa pele ka tidimalo mme a kgaola sekhutlo sa purapura ya ga Saulo.