tn_1sa_text_reg/23/24.txt

1 line
366 B
Plaintext

\v 24 Foo ba ema ka dinao mme ba ya kwa Sifi kwa pele ga ga Saulo. Jaanong Tafita le banna ba gagwe ba ne ba le mo sekgweng sa Maong, mo Araba kwa borwa jwa Jeshimone. \v 25 Saulo le banna ba gagwe ba ya go mmatla. Tafita a bolelelwa mme a fologela tlase kwa thabeng e e matlapa, mme a nna mo sekgweng sa Maong. Fa Saulo a utlwa, a alola Tafita mo sekgweng sa Maong.