tn_1sa_text_reg/22/11.txt

1 line
525 B
Plaintext

\v 11 Foo kgosi a romela mongwe go bitsa moperesiti Ahimeleke morwa Ahitubu, le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe, baperesiti ba ba neng ba le mo Nobo. Botlhe ba tla kwa go kgosi. \v 12 Saulo a re, ''Reetsa jaanong, morwa Ahitubu.'' A araba, ''Ke fano, mong wa me.'' \v 13 Saulo a mo raya a re, ''Ke eng o ntogetse segwenegwene, wena le morwa Jese, ka gorre o mo neetse borotho, le tshaka, wa bo wa mo rapelela Modimo gore a mo thuse, gore a tle a tsogologe kgatlhanong le nna, go iphitlha mo sephiring, jaaka a dirile gompieno?''