tn_1sa_text_reg/22/03.txt

1 line
497 B
Plaintext

\v 3 Foo Tafita a tswa koo a ya kwa Misephe mo Moabe. A raya kgosi ya Moabe a re, ''Tsweetswee letlelela rre le mme go nna le wena go fitlhela ke itse gore Modimo o tla ntirela eng.'' \v 4 A ba tlogela le kgosi ya Moabe. Rraagwe le mmaagwe ba nna le ene nako yotlhe e Tafita a neng a le mo boremelelong jwa gagwe. \v 5 Foo moporofiti Gate a raya Tafita a re, ''O se ka wa nna mo boremelelong jwa gago. Tloga o ye kwa lefatsheng la Juta.'' Jalo Tafita a tswa koo mme a tsena mo sekgweng sa Herethe.